FacebookTwitterYouTubeDailymotionScribdCalameo
SlideshareIssuuPinterestGoogle plusInstagramTelegram
Chat About Islam Now
Choose your country & click on the link of your language.
Find nearby Islamic centers & GPS location on the map.

Our Islamic Library contains:
Islamic TVs channels LIVE
Islamic Radios LIVE
Multimedia ( Videos )
Multimedia ( Audios )
Listen to Quran
Interactive files & QR codes
Misconceptions
Islam Q & A
Morality in Islam
Articles
The Noble Qur'an
Understanding Islam
Comparative Religions
Islamic topics
Women in Islam
Prophet Muhammad (PBUH)
Qur'an and Modern Science
Children
Answering Atheism
Islamic CDs
Islamic DVDs
Presentations and flashes
Friend sites

Articles' sections



Author:


Go on with your language:
qrcode

BaPorofete ba Aborahamo, Moshe, Jeso, le Muhammad ba ne ba rapela jang? (kagiso e nne le bone)

Viewed:
1264

BaPorofete ba Aborahamo, Moshe, Jeso,

le Muhammad ba ne ba rapela jang?

(kagiso e nne le bone) 

E ne yare nako nngwe Moruti: Ahmad Deedat, morutegi yo mogolwane wa moMoslemo a etetse Jeddah, Saudi Arabia, a bolela ka tiragalo nngwe ya botshelo jwa gagwe. 

A re nako nngwe o ne a tsaya setlhophana sa baKeresete le baJuta go etela masjidi (ntlo ya Modimo mo tumelong ya Islamo) kwa Durban, Afrika Borwa. Fa ba tsena mo Masjiding, Deedat a rola ditlhako mme a kopa le setlhophana se go dira jalo kajalo botlhe ba rola ditlhako tsa bone.

Deedat o ne botsa setlhophana se, gore a ba itse gore a ba itse lebaka la go ke eng ba ba rola ditlhako. Ba fetola ba re, “nnyaa.”Deedat a tlhalosa, fa Moshe a le kwa Thabeng ya Senai, Modimo O ne A bua le ene:

Modimo A re: “O se ka wa atamela kwano; rola ditlhako tsa gago mo dinaong tsa gago gonne felo fa o emeng gone ke mmu o o boitshepo.” (Ekesodo 3:5)[1]

Fa setlhophana se, se ntse se lebeletse mo masjiding, Deedat o ne a ikopa mo go bone go ya go tlhapa.  Fa a fetsa go tlhapa, a ya go tlhalosetsa setlhophana se gore ke eng a ne a tlhapa pele a rapela. Go tlhapa pele o rapela ga go rotloetse bophepa fela; ka go dirwa ga tlhano mo letsatsing, go teng gape mo ditsong tsa tumelo. A fa bosupi mo Baebeleng:   

Moshe le Arone le bomorwawe ba tlhapa diatla ba itlhapisa dinao mo go one; e ne e tle e re fa ba tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, le fa ba atamela kwa sebesong, ba tlhape; jaaka Jehofa a laotse Moshe. (Ekesodo 40:31-32)[2]  

Morago ga go rapela, Deedat o ne a ya go tlhalosetsa setlhophana se, ba jaanong ba neng ba lebeletse badumedi ba bangwe ba rapela: ka go rapela mo tumelong ya Islamo. O ne a tlhalosa ka maemo a farologaneng a thapelo, segolo bogolo jang go wela ka sefathego fa fatshe. Deedat o ne a re, baPorofete botlhe ba Modimo ba ne ba rapela jaana. A rurufatsa se, ka ditemana tsa Baebele:    

Aborahamo a wela fa fatshe ka sefatlhego. Modimo wa bua nae… (Genesise 17:3)[3]

Foo Aborahamo a wela fa fatshe ka sefatlhego…(Genesise 17:17)[4]

Moshe le Arone ba tswa fa pele ga phuthego ba ya fa pele ga mojako wa mogope wa bophuthegelo, ba wela fa fatshe ka difatlhego; mme kgalalelo ya ga Jehofa ya ba bonalela. (Dipalo 20:6)[5]

Joshua a wela ka se fatlhego fa fatshe, a mo obamela (Joshua 5:14)[6]

Mme (Jeso) a ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhego fa fatshe, a obama…(Mathaio 26:39)[7] 

Deedat a bolelela setlhophana gore ba itse sentle go rapela ga baKeresete le baJuta, mme jaanong ba bone gore maMoslemo bone ba rapela jang.

Deedat o ne a tswelela ka go botsa setlhopana se gore tsela ya thapelo e e gaufi thata le seKeresete ke efe? Setlhophana sa baKeresete le baJuta ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore thapelo mo Islamo ke yone e e gaufi thata le seKeresete.

 

Bontsi jwa batho ba ba tlogelang tumelo ya seKeresete ba tsena mo go ya Islamo, ba bolela ka fa eleng baKeresete ba nnete ka teng, ka jaana lefoko moKeresete le raya motho yo o mo dikgatong tsa ga Keresete kana motho waga Keresete. Jaanong ga tla jang gore badumedi ba, ba tumelo ya Islamo ba ipone e le bone ba ba mo dikgatong tsa ga Jeso go gaisa.

A re akanyeng thata ka kgang e, re lebile gore Baebele ya reng ka Jeso. Sekai: fa re bala Baebele re tla bona gantsinyana e supa Jeso a rapela ka go wa ka sefatlhego fa fatshe, a dumedisa badumedi ka ene ka go ba eleletsa kagiso, gape a itima dijo mo nakong e e telele. 

E le ruri badumedi ba le ba ntsi go tswa mo seKereseteng ba tsena mo Islamo ba itemogela fa ba ne e ntse e le maMoslemo a popota; le ntswa ba ne ba le kwa seKereseteng, pele ga ba tlhomamisa tumelo ya bone ya tlholego ka lekwalo lwa Koran le le Bonolo, le le senoletsweng moPorofete wa bofelo, Muhammad (kagiso e nne le ene).

“Bonang lona ba le dumelang! Inamang le wele Morena wa lona fa fatshe ka difatlhego, le Mo direle, le dire tshiamo gore le tle le atologe.” (Koran E E Bonolo 22:77) 

Setho sa motho sa go dumela mo Modimong a le mongwe, ga se kgaogane le tlholego ya gagwe. Mo bogompienong, batho bangwe ba ba reng ba mo dikgatong tsa ga Jeso, Aborahamo, le Moshe (kagiso e nne le bone) – ba dule mo tseleng. Fa re tsaya sekai mo seKereseteng, batho imphoseditse ka go itirela tumelo yotlhe ka ga moPorofete Jeso, mme ka jalo ba mo dira se ene a iseng a re ke sone.

Jaanong ipotse se, gore ke mang yo o mo dikgatong tsa ga Jeso mo bogompienong. Fela jaaka o ka tswa o itse, badumedi ba Islamo ba rapela ka boikobo ka difatlhego tsa bone di kgomile fa fatshe ga tlhano mo letsatsing.

Badumedi ba tumelo ya Islamo, ba mo tumelong ya ga Jeso; tumelo ye aneng a bua ka yone e bile a e tshela. Fela jalo, badumedi ba tumelo ya Islamo ba obamela Ene Modimo Yo jeso a neng a mo obamela; Ene Modimo wa ga Aborahamo, Moshe le Muhammad (kagiso e nne le bone).

Gape, badumedi ba tumelo ya Islamo ba dumedisana bare: “Kagiso e nne le wena” mme jaaka Jeso a ne a itima dijo malatsi a le masome a matlhano, badumedi ba tumelo ya Islamo le bone ba itima dijo kgwedi yotlhe ya Ramadan.    

Tla re ikokobetseng re rapele jaaka baPorofete ba botlhe. O a amogelesega go tsaya dibuka tsa thapelo  (salaah) go tswa mo letloweng lwa maranyane lwa rona.

www.islamic-invitation.com

https://islamic-invitation.com/book_details.php?bID=1848

[1] Baebele E E Boitshepo (1992) Lekgotla la Baebele la Afrika Borwa. Cape Town. p 67.

[2] Baebele E E Boitshepo (1992) Lekgotla la Baebele la Afrika Borwa. Cape Town. p 119.

[3] Baebele E E Boitshepo (1992) Lekgotla la Baebele la Afrika Borwa. Cape Town. p 16.

[4] Baebele E E Boitshepo (1992) Lekgotla la Baebele la Afrika Borwa. Cape Town. p 17.

[5] Baebele E E Boitshepo (1992) Lekgotla la Baebele la Afrika Borwa. Cape Town. p 191.

[6] Baebele E E Boitshepo (1992) Lekgotla la Baebele la Afrika Borwa. Cape Town. p 269

[7] Baebele E E Boitshepo (1992) Lekgotla la Baebele la Afrika Borwa. Cape Town. p 1176

 
All copyrights©2006 Islamic-Invitation.com
See the Copyrights Fatwa